Mme Ellen o ne a emetse ditlhopho tsa bopalamente jwa Green Party ko Toronto Centre, 2008. Khuduthamaga e ne ya mo tlhopha go ema gape Motsheganong wa 2009. Ellen o direla e le mokgadi wa tsa Kagiso le Itshireletso mo seka-khuduthamageng ya Green Party. ( Fa o batla go bona kgokaganyo e e ka go letlanyang le dikgang tse Ellen a nnileng le seabe mo go kwalweng ga tsone, leba fa tlase).

Mme Ellen ke mongwe wa maloko a ntlha a mokgatlho wa Windshare, mme gape ke leloko la khuduthamaga (boroto) ya baetapele ba Conservation Founder of Greater Toronto. O ithaopa le ba Green Thumbs Growing Kids, the Bleecker-Wellesley Activity Network, le maitiso a dibaesekopo tsa Hot Docs. Ellen ke leloko la Toronto Heliconian Club le mokgatlho wa bomme wa Women’s Art Association of Canada. O ithaopa ka go tlhatswa dijana ko holong ya motse ya 519 Church Street Community Centre, Tshipi nngwe le nngwe. Mme gape o rulaganya go abiwa ga dibuka tse di sa rekisiwang ko mmarakeng wa ngwaga le ngwaga wa mokgatlho wa Rosedale-Moore Park Community Association. Mme Ellen e ne e le sebui segolo mo mogwantong wa Jane’s Walk ko St. James Town, o o neng o rulagantswe ke SEED (Safe Engaged Environments-Disability)- eleng mokgatlho wa bana-le-bogole. Tlotla e ya go nna sebui sa tlotla, o nnile le yone gape ha a bua kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme ko
puthego-phatlalatseng ya UMOVE (United Mothers Opposing Violence Everywhere) e le ko Nathan Phillips Square. Mme Ellen o matlhagatlhaga mo go rutuntsheng batho ka go tlhokomela tikologo, le go sireletsa ‘botala’ jwa tlholego. E ntse e le leloko la bakwadi ba Professional Writers Association of Canada dingwaga di feta masome a mabedi; mafoko a a fetileng 100,000 a setse a tlhageletse mo dikuranteng ka fa tlase ga leina la gagwe.

E ne ele morutabana ko sekolong sa Toronto District School Board dingwaga tse di ntsi, mme a tlogela ka ntlha ya bogodi Seetebosigo, ngwaga wa 2006. O ne a dira le barutabana ko lehatsheng la Greenland dikgwedi di le lesome ele moithaopi, ko a ileng a itemogela dikai tsa go thuthafala ha lefatshe. Mme erile ka Seetebosigo, 2008 a ya legare la America, ko a neng a dira le barutabana ba thuto ya sekgoa ko Guatemala mme gape a ithaopa ko Nicaragua.

Mme Ellen o ne a ruta ko dikoleng tse dikgolwane tsa Castle Frank, Northern, Rosedale Heights, Central Technical School, le ko Western
Technical-Commercial School. O ne a direla ba mokgatlho wa Ontario Secondary School Teachers’ Federation, e le moemedi go tswa Western Tech. le Central Tech., tota ele molomaganyi magareng ga kgaolo ya Toronto le dikolo mabapi le mathata a a ba kopanang le one mo tirong.

O ne a amogela setlankana sa go ruta sa Master of Arts in Teaching go tswa mmadikolo, Harvard University, mme erile pele ga moo, a bo a ithutile ka tsa ‘Puso’.E nnile leloko la pele la Canada Corps, mme a dira ko Ukraine e le molebeldi wa ditlhopho tse di neng di boelediwa tsa botautona mariga a 2004.

E ne e rile a santse a le moithuti, a emela sekolo sa gagwe e le mokwadi, mme gape a dirisana le bakwadi ba bangwe. O ne a rulaganya go ruta go kwala ga bo mmantswitswidi. O rotloeditse thata barutabana go nna le kgolagano e e tiileng magareng, le go supa bokgoni. Mme Ellen o nnile tlhaga mo go sokololeng batho ko Green Party a tsamaya ntlo le ntlwana, mme tota maikano magolo ele aga le go etleetsa tshomarelo tikologo.
Mme Ellen o ntse mo Toronto dingwaga di feta masome a mararo le botlhano. Ene le rre wa gagwe ba rata go tsaya nako le bana ba bana ba bone, ka ba ba rotloetsa go nna ba itekanetse le go nna matlhagatlhaga so somarela tikologo. Mme Ellen o opela le setlhopha sa bomme sa Toronto’s Raging Grannies.